10 Great Reasons To Use Ayoba

O e dirisa mahala

O dirisa ayoba mahala. O tlhoka data go romela melaetsa le difaele go bagolagani ba gago, mme dineteweke dingwe (sk. MTN) e fana ka data ya mahala le yone.

Go abelana ke lorato

Phasalatsa dibidio, ditshwantsho, direkoto ga mmogo le difaele tse dingwe go bagolagani ba gago.

Golagana ka bonako

Dirisa aterese e e leng gone go ikgolaganya ka bonako le motlhofo le bagolagani ba gago.

Go letsa

Letsa mo teng ga app ka go golagana lentswe la gago.

Dira puisano gone jaanong

Gone fela foo o kgona go romela kana go amogela melaetsa e e kwadilweng kana ya lentswe go tswa ko mogolaganing ope fela.

Sireletsa

Tshireletso ya melaetsa e raya gore ga gona motho ope o sele o a ka kgonang go bala melaetsa ya lona.

Tlotla le mongwe le mongwe

Romela molaetsa wa SMS go mongwe le mongwe yo o mo lenaaneng la gago la bagolagani, go sa kgathalesege gore a o na le ayoba kana ga a na yone

Tla re Kopane

Phasalatsa lefelo le o leng mo go lone ga jaana go bagolagani ba gago ba ayoba.

Puisano ya setlhopha

Go monate fa go nale batho ba bantsi! Seta puisano ya setlhopha gore o kgone go buisana motlhofo le ditsala le ba losika lo dirisa puisano e le nngwe.

Go romela madi

Romela le go amogela dituelo ka Mobile Money. (E e tlang e se kgale)

Kaga ayoba

Ayoba ke app e o kgonang go romela melaetsa mahala ka yone,

e dirilwe ke ma-Aforika e diretswe ma-Aforika.

Le fa Aforika e le kontinente e le nngwe, ke legae la ditso di ka nna makgolokgolo tse di tlhomologileng. Re keteka ditso tse di farologaneng mo Aforika ka go e naya polatefomo ya maemo a a kwa godimo ya go romela melaetsa e e nang le ditlhokego le dikeletso tsa ma-Aforika.

Go tswa tshimologong, go dirilwe gore melaetsa ya mo ayoba e siriletsege e le go sireletsa tshedimosetso ya badirisi le go e boloka e le sephiri. Seno se raya gore melaetsa e e mo puisanong ga e kgone go balwa ke motho ope o sele, le fa e le setlhopha sa ayoba.

Tsela ya rona e e tlhomologileng ya go dirisa thkenoloji e raya gore badirisi ba ayoba ba tla kgona go buisana le mongwe le mongwe yo a nang le mogala, tota le fa a ise a nne le app ya ayoba.

Gone jaanong, mongwe le mongwe yo o nang le mogala wa Android a ka kgona go downloader ayoba (dipolatefomo le didirisiwa tse dingwe di tla tshegediwa mo nakong e e sa fediseng pelo!). Mo godimo ga moo, re na le tirisanommogo le MTN, go naya badirisi ba MTN data ya mahala* ya ayoba (mo dinageng tse di tlhophilweng le tiriso e e sa gobeleleng ya melawana) fa ba romela melaetsa, ditshwantshi, dibidio le tshedimosetso e nngwe go bagolagani ba bone. Mo godimo ga moo, karabo nngwe le nngwe ya melaetsa ya ayoba le yone e tla nna mahala mo badirising ba MTN (mo dinageng tse di tlhophilweng), go sa kgathalesege gore a ba dirisa app kgotsa nnyaa.

Ke eng se se latelang kaga ayoba?

Go nale dilo di le mmalwa tse re batlang go di tlhabolola mo dikgweding tse di tlang jaaka re atolosa tirelo ya rona mo Aforika. Seno se akaretsa go kgona go romela le go amogela madi ka ayoba, go bagolagani ba ba mo Aforika, ba dirisa Mobile Money.