Dipotso tse di Bodiwang Gantsi

Simolola / Go Simolola


Tshegetso
Fa o batla thuso kgotsa o batla go ikgolaganya le Setlhopha sa ayoba, tsweetswee ya go ayoba.me/contact

Go Downloader le go Tsenya:
Ke downloader jang ayoba?

ayoba.me/download – (ka data ya mahala); kgotsa

O kgona go etela webosaete ya ayoba go downloader app eo ka nako nngwe le nngwe, Fa e le gore o dirisa MTN o tlile go kgona go downloader ayoba mahala, ntle le go dirisa data ya gago.

Google Play Store

Gape o ka downloader ayoba mo Google Play Store. bula Play Store, senka ayoba o bo o e downloader go simolola go e dirisa.

Ke tlhabolosa jang ayoba?

O ka kgona go tlhabolosa ayoba mo Google Play Store kgotsa

App ya ayoba e gone fela mo megaleng ya Android (mefuta e mengwe e etla!). Go e tlhabolosa, ya kwa Google Play Store, mme o tobetse Menu > My apps & games.
Tobetsa UPDATE e e fa thoko ga ayoba! app ya go Romela Melaetsa Mahala.

Kana, ya kwa Play Store mme o senke ayoba. Tobetsa UPDATE fa tlase ga ayoba! app ya go Romela Melaetsa Mahala.

Mo Webosaeteng ya ayoba

O kgona le go tlhabolosa app ya gago ya ayoba mo webosaeteng ya rona, etela ayoba.me/download

Ke busetsa jang ayoba?

Fa o batla go busetsa app ya ayoba, o tlhoka go e phimola pele mo mogaleng wa gago. Pele ga o dira seno, re go akantsha gore o boloke dipuisano tsa gago. Tobetsa konopo ya menu, o tlhophe diseting, o bo o tobetsa Tlhokomelo mme o tlhophe Boloka Puisano.

Seno se tlile go go bolokela dipuisano sentle ko Cloud, mme o tlile go kgona go busetsa dipuisano tseo fa o di tlhoka. Ela tlhoko gore dilo tse o di bolokang ga di a bolokelwa mo sedirisiweng sa gago, mme o tlile go tlhoka inthanete gore di bolokiwe.

Tsweetswee latela dikgato tseno fa o batla go phimola le go busetsa ayoba:
Tlhopho 1:

Kgoma mme o tshware setshwantsho sa ayoba mo Home Screen go fitlha ditshwantsho di simolola go tshikinyega
Tobetsa X o o mo khutlong ya setshwantsho sa ayoba
Tobetsa Delete go ntsha application le tshedimosetso yotlhe ya yone
Tobetsa konopo ya Home
Downloader app ya ayoba mo Google Play Store gape.
Busetsa dipuisano tse o di bolokileng ka go tobetsa konopo ya menu, o tlhophe Diseting, go tswa foo o tobetse Tlhokomelo o bo o tlhopha Boloka Puisano, mme o e busetse.
O kgona go etela webosaete ya ayoba go downloader app eno ka nako nngwe le nngwe. Fa o dirisa MTN o tlile go kgona go downloader ayoba mahala*, ntle le go dirisa data ya gago. *Ka nako ya thotloetso

Tlhopho ya bo2:

Kgoma o bo o tshware setshwantsho sa ayoba mo Home Screen mme o se gogele o bo o se tlogela mo thining ya matlakala/O ntshe
Tlhopha ntsha go netefatsa gore o phimola se o se dirileng ga mmogo le tshedimosetso ya teng
Tobetsa konopo ya Home
Tsenya ayoba gape go tswa go Google Play Store.

Busetsa dipuisano tse o neng o di bolokile ka go obetsa konopo ya menu, o tlhophe Diseting, go tswa foo o tobetse Tlhokomelo o bo o tlhopha Polokelo ya Puisano, mme o e busetse.
O kgona gape go etela webosaete ya ayoba go busetsa app nako nngwe le nngwe. Fa e le gore o dirisa MTN o tlile go kgona go downloader ayoba mahala*, ntle le go dirisa data. *Ka paka ya thotloetso

Netefatso:
Ke netefatsa jang dinomoro tsame?

Fa o tsentse app, e bule mme o latele dikgato tseno:

Tsenya leina la gago
Tlhopha naga ya gago go tswa go tse di tlhagang mo lenaaneng. Seno se tla go tlaletsa khoutu ya naga ya gago
Tsenya dinomoro tsa gago tsa mogala mo lebokosong le le fa tlase
Tobetsa netefatso go kopa khoutu
Tsenya dinomoro tsa khoutu tse 4 tse o di rometsweng ka SMS.

Ga ke a romelelwa SMS e e nang le dinomoro tsa khoutu tse 4

Letela nako e e fa tlase e fetse go bala mme o tobetse Romela SMS gape.
O se ka wa fopholetsa khoutu, go seng jalo o tlile go tswalelwa kwa ntle sebakanyana.

Fa bothata bo tswelapele, tsweetswee leka se se latelang:

Simolola mogala wa gago sesha (Gore o kgone go e simolola sesha, e time, ema metsotswana e ka nna 30, mme o e tshube gape).
Phimola mme o tsenya mofuta wa sesheng wa ayoba.

Fa bothata bo tswelapele, tsweetswee leka se se latelang:

Simolola mogala wa gago sesha (Gore o kgone go e simolola sesha, e time, ema metsotswana e ka nna 30, mme o e tshube gape).
Phimola mme o tsenya mofuta wa sesheng wa ayoba.

A ke kgona go dirisa ayoba mo didirisiweng tse pedi?

Akhaonto ya gago ya ayoba e kgona go netefadiwa fela mo nomorong e le nngwe mo sedirisiweng se le sengwe. Fa o na le mogala o o tsenyang di-SIM tse pedi, tsweetswee tlhokomela gore o tlhoka go dirisa nomoro e le nngwe go netefatsa le ayoba. Ga go na gore o ka nna le akhaonto ya ayoba ka dinomoro tse pedi.

A ke tlhoka go ikwadisa gape fa ke ntsha ke bo ke busetsa app?

Nnyaa, ga o tlhoke. Se o se tlhokang ke go tsenya ayoba go tswa go Google Play Store gape kgotsa go tswa go ayobe.me/download. Tsenya leina la gago, tlhopha nagaya gago go tswa go tse di tlhagileng mo lenaaneng, tsenya dinomoro tsa gago tsa mogala o bo o tlhopha netefatsa.

Tlhokomela: Fa o bolokile dipuisano tsa gago tsa kgale pele o phimola app mme wa tlhopha pin ya dinomoro tse nne pele o e tsenya gape, o tlile go kgona go busetsa dipuisano tsa kgale tse o neng o di bolokile ka go tsenya pin ya gago ya dinomoro tse nne fa o e busetsa

Go dirisa ayoba


Akhaonto le tlhokomelo ya Porofaele
Ke tsenya jang kgotsa ke tlhabolosa jang setshwantsho sa me sa Porofaele?

Fa e le gore ga o ise o tlhophe setshwantsho sa porofaele:

1. Bula menu kwa godimo mo molemeng wa app
2. Tobetsa setshwantsho sa baakanya
3. Tobetsa senepe sa porofaele > setshwantsho sa Khamera
4. Tlhopha senepe se o tla re dirisang jaaka setshwantsho sa porofaele mo bobolokeladitshwantsho jwa gago

Fa e le gore ga o setse o na le senepe sa porofaele:

1. Bula menu kwa godimo mo molemeng wa app
2. Tobetsa senepe sa gago sa porofaele kgotsa setshwantsho sa baakanya
3. Fa o tlhoopha setshwantsho sa baakanya, tobetsa senepe sa gago sa porofaele > setshwantsho sa khamera
4. Tlhopha senepe mo bobolokeladitshwantsho jwa gago go fetola senepe sa gago sa jaana sa porofaele.

A ke kgona go tlhabolosa Leina la me le le Tlhagang?

1. Bula menu kwa godimo mo molemeng wa app
2. Tobetsa Leina la gago le le Tlhagang kgotsa setshwantsho sa baakanya o bo o baakanya kgotsa o tsenya leina la gago le lesha le le tlhagang.

Ke tsenya jang kana ke tlhabolosa jang Status sa me?

1. Bula menu kwa godimo mo molemeng wa app
2. Tobetsa status sa gago kgotsa setshwantsho sa baakanya
3. Tsenya statu se sesha mme o tlhophe setshwantsho sa letshwao go dumela, kgotsa tlhopha status go tswa mo lenaaneng la di status tse o kileng wa di baya.

Tlhokomela: Fa o thibile mogolagani, motho yo o ga a kitla a bona setshwantsho sa gago sa porofaele kgotsa di status tsa gago.

Ke phimola jang akhaonto ya me?

O tlhoka go latela dikgato di le mmalwa fa o batla o phimola akhaonto ya gago. Tlhokomela gore fa o dira seno ga go na poelo morago, tota le setlhopha sa ayoba ga se kitla se kgona go busetsa dilo morago, ka jalo o tlhoka go netefatsa gore a ruri ke se o batlang go se dira.

Latela dikgato tseno tse nne:

1. Bula app ya ayoba
2. Bula menu kwa godimo mo molemeng wa app
3. Diseting > Tlhokomelo > Phimola akhaonto ya gago
4. Netefatsa ka go tobetsa OK

Go phimola ga gago akhaonto go tlile:

Go phimola akhaonto ya gago ya ayoba gotlhelele
Go phimola melaetsa ya kgale
Go go ntsha mo ditlhopheng tsa gago tsa ayoba ka bofefo

Dilo tse o tshwanetseng go di ela tlhoko:

Ga o kitla o kgona go tsena mo akhaontong ya gago
Go phimola akhaonto ya gago ga go kitla go ama tshedimosetso e badirisi ba bangwe ba nang le yone ka wena, jaaka melaetsa e o ba romeletseng yone
Dikhopi tsa dikgatiso dingwe (sk. rekoto ya tiriso) di tlile go nna mo polokelong tshedimosetso ya rona mme ga di na go amanngwa le dilo tsa botho.

A ke kgona go dirisa ayoba mo mogaleng wa me o mosha?

Fa o tswa mo mogaleng o mongwe go ya go o mongwe mme o dirisa dinomoro tsa kgale, o tlile go kgona go baya tshedimosetso ya akhaonto ya gago. Tshedimosetso ya akhaonto ya gago e golagantswe le dinomoro tsa gago tsa mogala.
Downloader ayoba mo mogaleng wa gago o o mosha mme o netefatse dinomoro tsa gago.

Fa o tswa mo mogaleng o mongwe go ya go o mongwe mme o fetola dinomoro tsa gago, downloader ayoba mo mogaleng o mosha mme o netefatse dinomoro tsa mogala tse disha.

Ke fetola jang puo mo ayoba?

Go fetola puo mo mogaleng wa gago:

Android: Ya go Diseting tsa mogala >Tsamaiso>Dipuo le tshwaelo> Dipuo. Tobetsa le go tlhopha puo.

Fa o dirisa mogala wa Android, o kgona go fetola puo ya ayoba mo app. Go dira jalo tobetsa menu mme o tlhophe Diseting o bo o tobetsa Tlhokomelo.

Dituelo / Ditshenyegelo

Ditshenyegelo tsa Modirisi wa Ayoba

Go ja bokae go romela molaetsa kgotsa difaele tsa tshedimosetso mo ayoba?

Ayoba e dirisa kgokagano ya Inthanete ya mogala wa gago (4G/3G/2G/EDGE kgotsa Wi-Fi) go romela le go amogela melaetsa go ditsala le ba losika. Ditshenyegelo tsa data e e dirisiwang go romela le go amogela melaetsa go tla ikaega ka ikwadiso e o nang le yone le motlamedi wa gago wa tirelo. Gape o tshwanetse go netefatsa gore ga o fete ditekanyetso tsa gago tsa tiriso ya data. Kana, gape o ka dirisa ayoba le fa o ntse o golagane le neteweke ya Wi-Fi, e e ka nnang mahala.

Ayoba e dirisana le MTN, neteweke e e dirisiwang ke bontsi jwa ma-Aforika, go fana ka data ya Ayoba ya mahala* go badirisi ba MTN (mo dinageng tse di tlhophilweng mme e laolwa ke melawana ya tiriso e e sa gobeleleng). Seno se raya gore badirisi ba MTN ba tlile go kgona go romela le go amogela melaetsa, direkoto, dibidio, ditshwantsho le difaele gone mo teng ya app ya ayoba ntle le go patala ditshenyegelo tsa data.

*Ka nako ya thotloetso

Ke bokae go founa o dirisa ayoba?

O ka kgona go founela bagolagani ba gago ba ayoba go tswa go app ya ayoba. Mogala o tla duelwa ka mogala o o tlwaelegileng mme o dirisa airtime ya gago kgotsa metsotso e e leng teng. Sa botlhokwa, go founa o dirisa app ga go dirise data mme ga se mahala.

Ditshenyegelo fa o sa dirise ayoba.
A ke tlhoka go nna le app ya ayoba go romela le go amogela melaetsa e e tswang go ditsala le ba losika ba ba dirisang ayoba?

Ayoba e bereka botoka fa o tlotla le motho yo o nang le ayoba mo mogaleng wa gagwe. Re santse re le foo, re leka ka bojotlhe go akaretsa mongwe le mongwe, mme go farologana le di app tse dingwe tsa go romela melaetsa, o kgona go buisana le mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ba na le app ya ayoba kana ga ba na yone.

Melaetsa e e rometsweng via ayoba go bagolagani ba gago ba ba senang app ya ayoba, e tlile go romelwa jaaka SMS, mme e tla nna le linki ya go bula ditshwantsho kana difaele mo ithaneteng.

Mo dinageng tse dintsi, tirisano ya rona le MTN e raya gore fa mogolagani wa gago a dirisa MTN, ba kgona go araba molaetsa wa gago ka SMS mme o tlile go romelelwa karabo eo mo app ya ayoba. Tirisano ya rona le MTM e raya gape gore dikarabo tseno tsa SMS di tla nna mahala go di romela (mo dinageng dingwe).

Le fa go ntse jalo, fa mogolagani wa gago a sa dirise MTN, o tlile go kgona go romelelwa melaetsa ya gago go tswa go ayoba ka SMS, mme ga ba kitla ba kgona go araba molaetsa o o ba o romeletsweng. Ba tlile go itsisiwe ka ditekanyetso tseno. Tharabololo ka nako eno ke gore mogolagani wa gago a tsenye app ya ayoba mo sedirisiweng sa gagwe.

E ja bokae fa ele gore ga ke na App ya ayoba mo sedirisiweng same?

Fa o dirisa MTN mme o se na app ya ayoba mo mogaleng wa gago o ka kgona go araba molaetsa wa SMS o o rometsweng ke mongwe yo o dirisang ayoba mme SMS eo e tla nna mahala.

Fa e le gore ga o dirise MTN o tla amogela melaetsa ya ayoba ka SMS mme ga o kitla o kgona go e araba. Itumelele maitemogelo ka botlalo a ayoba ka go downloader app mo Play Store kgotsa mo ayoba.me/download.

Ga go kitla go nna le ditshenyegelo tsa data ka nako ya thotloetsa mme melawana ya tiriso e e sa gobeleleng e a dira.

Fa o le modirisi wa MTN o ka dowloader ayoba mahala, gone jaanong mo ayoba.me/download. Kgotsa o etele Google Play Store

Tshireletso

A go sireletsegile go dirisa ayoba?

Fa o batla go boloka data ya gago e sireletsegile mme e itsiwe ke wena fela, ayoba e na le tshireletsego e e dirang gore melaetsa e bonwe fela ke wena le mogolagani yo o buang le ene. Seno se netefatsa gore ke lona fela lo tla kgonang go bona motlotlo wa lona. Ga go na ope o mongwe yo o ka kgonang go bona melaetsa ya lona, le fa e le setlhopha sa ayoba.

Seno se a bontsha gore ga re kitla re naya tshedimosetso ya lona go mongwe o sele ntle le tetla ya lona. O kgona go dira seno ka go ya go diseting tsa gago tsa Poraefete mo teng ga app ka go tlhopha Melaetsa go tswa ko Diseting tsa menu, o tobetse Poraefete. Re go akantsha go bona pele melao ya rona ya Boporaefete mo ayoba.me/termsandconditions.

Megala e e latlhegileng le e e utswitsweng
Mogala wa me o latlhegile kana o utswitswe, ke tlhoka go dirang jaanong?

Fa e le gore mogala wa gago o latlhegile kana o utswitswe, re ka go thusa go sireletsa akhaonto ya gago ya ayoba gore e seka ya dirisiwa ke motho yo o sa letlelelwang go e dirisa. Tsweetswee latela dikgato tse di fa tlase
Gape re kgothaletsa gore o leletse motlamedi wa gago wa tirelo ya mogala ka bonako jo bo kgonegang gore ba lotlele karata ya gago ya SIM e le gore mogala wa gago o se ka wa dirisiwa ke mongwe o sele. Fa SIM sa gago se lotletswe, ga o kitla o kgona go netefatsa akhaonto ya gago ya ayoba ka dinomoro tseo, o tlile go tlhoka go amogela SMS ya go netefatsa.

Ditlhopho tse pedi tse di leng gone:

Dirisa karata ya SIM e ntšha e e nang le dinomoro tsa gago tsa kgale go dirisa ayoba mo mogaleng wa gago o mosha. Eno ke tsela e e bonako ya go dira gore akhaonto e e mo mogaleng o o utswitsweng e se ka ya dirisiwa. ayoba e kgona go dirisiwa fela ka dinomoro tsa mogala tse di nngwe le mo sedirisiweng se le sengwe.
Buisana le rona mo ayoba.me/help mme o tlatse foromo ya pegelo o dirisa polelwana “”mogala o o Latlhegileng/Utswitsweng jaaka setlhogo. Tsweetswee tswala akhaonto ya me”” mme o tsenye le dinomoro tsa gago go ya ka naga ya gago jaaka go bontshitswe fano.

Ela Tlhoko:

Go botlhokwa gore o gopole gore le fa karata ya gago ya SIM e lotletswe, fa mongwe a ka kgona go tsena mo mogaleng wa gago le mo app ya ayoba, e kgona go dirisiwa ka neteweke ya Wi-Fi. Setlhopha sa ayoba ga se kitla se kgona go dira gore ayoba e se ka ya dirisiwa. Ka jalo re go akantsha gore o buisane le rona fa o batla akhaonto ya gago e tswale ka bofefo.

Ela tlhoko gore setlhopha sa ayoba ga se na tetla ya go batla lefelo le mogala wa gago o leng mo go lone mme ga re kitla re kgona go go thusa go batla mogala wa gago. Mogala wa gago o ka nna le app e e ka go thusang go dira seno go tswa sedirisiweng se sengwe.

Fa o bolokile dipuisano pele mogala wa gago o latlhega, o ka kgona go busetsa dipuisano tsa gago tsa kgale.

Dipolokelo di a itiragalela mo diureng tse 24, fa di golagane le inthanete.
Badirisi ga ba kgona go dira kana go dirolola thulaganyo eno ya go ipolokela.
Badirisi ba kgona fela go dira polokelo ka go tobetsa “Menu” > “Diseting” > “Tlhokomelo” > “Boloka Puisano”.
Akhaonto nngwe le nngwe e na le bobolokelo, fa o dira Puisano e ntšha e Bolokege, dipuisano tsa kgale tse o di bolokileng di tla phimoga.
Dipolokelo di boela fela fa o tsena! Morago ga netefatso ya OTP.

Tshireletsego ya Gago

A ke kgona go bega diteng tse di sa tshwanelang?

Re batla go netefatsa gore o sireletsegile ka metlha, tsweetswee bega dilo tse di sa siamang kgotsa boitshwaro jo bo sa siamang mo ayoba.me/contact, mme o tlhophe “Bega Diteng tse di sa Siamang”. Re tlile go batlisisa mme re tseye dikgato tse di tlhokegang.

Tlhokomela gore go ka direga re seka ra kgona go go begela patlisiso tse re di boneng, mme itse gore re tsaya dipego tsa mofuta ono tsia.

A ke kgona go tsenya ngongorego ka modirisi yo mongwe?

Tshireletsego ya badirisi e tla pele mo go rona mme ga re amogele boitshwaro jwa go sotlaka. Tsweetswee ya kwa ayoba.me/contact, mme o tlhophe “”Bega modirisi””. Re tlile go dira patlisiso mme re tseye kgato e e tlhokegang.

Ela tlhoko gore go ka direga re se ka ra kgona go go begela patlisiso tse re di boneng, mme itse gore re tsaya dipego tsa mofuta ono tsia.

Go buisana mo ayoba

A ke kgona go phasalatsa tshedimosetso ya go ikgolaganya ya bagolagani ba me ke dirisa ayoba?

Ee o ka kgona! Dirisa + (setshwantsho sa puisano e nngwe) go simolola puisano e nngwe, mme o tobetse setshwantsho sa go tsenya sengwe, jaanong o ka tlhopha Mogolagani, go tswa foo tobetsa mogolagani yo o batlang go mo phasalatsa.

A ke kgona go romela ditshwantsho ke dirisa ayoba?

Phasalatsa di selfie le ditshwantsho tse o di ratang motlhofo ka ayoba. Dirisa + (setshwantsho sa puisano e nngwe) go simolola puisano, o tobetse setshwantsho sa go tsenya sengwe, fa o fetsa o tlhophe Bobolokelo jwa Dinepe gore o tsenye dinepe go tswa mo laeboraring ya gago. O kgona gape go tobetsa Khamera go tsaya setshwantsho mme o se phasalatse ka yone nako eo.

A ke kgona go phasalatsa lefelo le ke leng mo go lone ke dirisa ayoba?

Phasalatsa lefelo la gago le bagolagani ba gago ka go tobetsa + (setshwantsho sa puisano e nngwe) go simolola puisano e ntšha, mme o tobetse setshwantsho sa go tsenya sengwe o bo o tlhopha Lefelo.

A ke kgona go romela melaetsa e e rekotilweng ka ayoba?

O kgona go romela molaetsa o mokhutshwane go modirisi wa ayoba ka go tobetsa setshwansho sa Sebuela godimo se se fa fatshe mo mojeng mo sekirining sa gago sa puisano. O kgona le go dira puisano e ntšha ka go dirisa + (setshwantsho sa puisano e nngwe) o bo o tobetsa setshwantsho sa go tsenya sengwe mme o tobetse Modumo, o bo o tobetsa setshwantsho sa Sebuela godimo o rekote molaetsa wa gago.

Ke tlhoka go romela faele kana dokhumente, a ke kgona go dirisa ayoba?

Romela difaele ka go tobetsa + (setshwantsho sa puisano e nngwe) go simolola puisano, mme o tobetse setshwantsho sa go tsenya sengwe mme o tlhophe faele. Jaanong lebelela mo sedirisiweng sa gago, o tlhophe faele mme o e phasalatse le bagolagani ba gago.

Ke araba jang melaetsa?

Tobetsa mo molaetseng o o batlang go o bona. Go araba, tobetsa baa ya go kwala e e mo tlase mo sekiring sa gago mme o kwale karabo ya gago o tobetse romela. Go motlhofo.

A ke kgona go phasalatsa kana go fetisetsa melaetsa go bagolagani ba me ba ayoba?

O kgona go fetisa melaetsa, difaele tse di rekotilweng, ditshwantsho le bagolagani ka go tobetsa le go tshwara molaetsa o o batlang go o fetisa, mme o tobetse letshwao la go fetisa le le mo mojeng wa sekhotlho sa sekirini, tlhopha mogolagani yo o batlang go mo romelela molaetsa mme o o romele. Diteng di tlile go tshwaiwa ka “”Fetisitswe””. Mme o tlile go romelelwa kitsiso e e bontshang gore molaetsa o fetisitswe.

Ke phimola jang melaetsa ya kgale kgotsa e ke sa e batleng?

Tobetsa mme o tshware molaetsa mo sekirining sa puisano, o tlhophe setshwantsho sa thini ya matlakala se se kwa godimo mo sekirining mme o netefatse tlhopho ya gago.

A ke kgona go fudusa dipuisano tsa me ke di ise kwa lenaaneng le le bolokilweng?

Nnyaa, ayoba ga e na tsela ya go fudusa dipuisano e di ise kwa lenaaneng la go boloka (ga jaana). Fa o batla go ntsha puisano mo lenaaneng la dipuisano, o kgona go dira seo ka go e phimola, le fa gone e le selo se o se kitlang o kgona go se busetsa ka gonne o se phimotse gotlhelele.

A ke kgona go rulaganya dipuisano tsa me ka ditsela tse di farologaneng?

Dipuisano tsa gago di rulagantswe ka gore o feleditse go bua le mang sesheng, dipuisano tseno di tlhaga mo godimo ga lenaane le batho ba o buileng le bone. Ga o kgone go fetola thulaganyo eno mo ayoba (gone jaanong).

Ke phimola jang dipuisano?

Mo sekirining sa ntlha sa ayoba, tobetsa mme o tshware mo puisanong e o batlang go e phimola, o tobetse setshwantsho sa thini ya matlakala kwa godimo mo sekirining, fa o fetsa o netefatse gore o tlhopha go phimola.

Ke dira jang puisano ya setlhopha mme ke bo ke laletse bagolagani bame?

Tobetsa konopo ya dipuisano tse disha + mme o tobetse SETLHOPHA SE SESHA, fa o fetsa o tsenye bagolagani ba o batlang go ba tsenya mo puisanong eo. Jaanong se o tlhokang go se dira ke go simolola motlotlo.

Ke dira jang fa ke batla go tlogela puisano ya setlhopha?

O kgona go tswa mo puisanong ka nako nngwe le nngwe ka go tobetsa setshwantsho sa puisano ya setlhopha kwa godimo mo sekirining mme o tlhophe konopo e e reng TLOGELA SETLHOPHA, fa o fetsa o netefatse se o se tlhophileng.

Ke dira jang fa ke batla go phimola dipuisano tsa setlhopha?

Go phimola puisano ya setlhopha tobetsa mme o tshware puisano ya setlhopha e e mo sekiring sa ntlha, mme o tobetse setshwantsho sa thini ya matlakala. O ka nna wa tlhopha go tswa mo setlhopheng ka yone nako eo.

Fa o phimola puisano ya setlhopha, o tlile go phimola fela melaetsa ya setlhopha e e mo mogaleng wa gago, mme ga e kitla e phimola e e mo megaleng ya maloko a setlhopha.

Mong wa Setlhopha o dira eng?

Mong wa setlhopha o dira setlhopha, a tsenye a bo a ntshe maloko

A ke kgona go dira mongwe o sele Mong wa Setlhopha?

Taolo ga e kgone go fetisediwa go mongwe o sele

A re kgona go nna le Beng ba Setlhopha ba fela a le mongwe?

Ga go kgonege gore go nne le beng ba setlhopha ba fela a le mongwe

Ke tsentswe mo setlhopheng, a ke kgona go bona puisano tse di fetileng?

Fa o tsentswe mo setlhopheng, ga o kitla o kgona go bona melaetsa e e fetileng le go tlotla pele ga o ka tsenngwa mo setlhopheng

Go diragala eng fa e le gore ke batla go busetsa puisano ya kgale?

Polokelo e itiragalela morago ga diura tse 24, fela fa o ikgolagantse le inthanete. Ga o kitla o kgona go itlhophela gore a o batla melaetse e ipolokele ka yone kgotsa nnyaa.

O ka kgona go dira gore e boloke ka go tobetsa Menu bar, tlhopha Diseting, o tlhophe Tlhokomelo morago ga moo o tlhophe Bobolokelo jwa Dipuisano. Seno se tlile go dira gore dipuisano tsa gago di bolokwe di sireletsegile mo cloud, mme se tla go letla go busetsa hisitori ya dipuisano tsa gago fa go tlhokega.

Busetsa Puisano e o e Bolokileng ka go tobetsa konopo ya menu, o tlhophe Diseting, fa o fetsa o tlhophe Tlhokomelo o bo o tobetsa Puisano e e Bolokilweng, mme o e busetse.

Ela tlhoko gore dilo tse di bolokilweng ga di a bolokelwa mo sedirisiweng sa gago, ka jalo o tlile go tlhoka kgolagano ya ithanaete gore o kgone go boloka.

A ke kgona go dira gore difaele tse ke di romeletsweng di tsene fela mo sedirisiweng sa me?

Fichara ya gore dilo di itsenele ka bo tsone e Timilwe. Fa o batla gore ditshwantsho le dibido tse o di romeletsweng ka ayoba di itsenele, o ka nna wa e Tshuba gore di itsenele. O kgona go dira seo ka go tlhopha menu wa ntlha, tobetsa Media mme o netefatse gore a o batla di itsenele. Re go akantsha gore o nne o timile tlhopho eno fa e le gore o na le data e e lekanyeditsweng.

Go bua le badirisi ba ba sa diriseng ayoba
A ke kgona go bua le batho ba ba sa diriseng App ya ayoba?

O ka kgona go romelela mongwe le mongwe melaetsa ka ayoba, le fa ba se na app eno mo didirisiweng tsa bone. Melaetsa e e romelelwang batho ba ba se nang ayoba le go ikwadisa mo go yone e tla amogelwa e le melaetsa ya SMS mme e tla akaretsa dilinki tsa go bona difaele le diteng tse dingwe fa go tshwanela.

Re ikgolagantse le MTN, seo se raya gore badirisi ba MTN ba tlile go kgona go araba di-SMS tse di tswang mo ayoba, mahala (mo dinageng dingwe), le fa ba se na app ya ayoba mo didirisiweng tsa bone. Ba ba sa diriseng MTN ba tlile go amogela melaetsa ya ayoba ka SMS, mme ga ba kitla ba kgona go araba. Re akantsha gore ba ba sa diriseng MTN ba downloade app ya ayoba mo ayoba.me/download kgotsa mo Google Play Store

A ke kgona go tsenya bagolagani le fa ba sa dirise ayoba?

Fa o dira puisano e ntšha, tobetsa menu o o mo khutlong e e kwa godimo kafa mojeng. Dira gore e Bontshe bagolagani ba di-SMS. O tlile go kgona go bona bagolagani ba gago botlhe, le ba ba sa diriseng App ya ayoba.

Fa mongwe wa bone a tsenya app ya ayoba mme a ikwadisa ka dinomoro tsa mogala tse o nang le tsone, app ya ayoba e tlile go tlhabolosa status sa bone gore ba kgone go ikgolaganya ka ayoba.

A ke kgona go romela ditshwantsho le difaele go bagolagani ba me ba ba se nang app ya ayoba?

O ka kgona go romela ditshwantsho, dibidio, le dilinki go bagolagani ba ba se nang app ya ayoba. Bagolagani bano ba tlile go romelelwa kitsiso ka SMS e na le linki ya go bula diteng. Ela tlhoko gore go bula le/kana go downloader diteng tseo go tlile go go jela data ya motlamedi wa neteweke ya gago.

Ke amogetse molaetsa wa ayoba, mme ga ke na app. A ke santse ke kgona go bula molaetsa ono?

O kgona go bula melaetsa ya mafoko kana difaele tse o di rometsweng ke modirisi wa ayoba ka ayoba, le fa o ise o tsenye app ya mahala ya ayoba. Re ikgolagantse le MTN, se se rayang gore badirisi ba MTN ba tlile go kgona go araba melaetsa ya ayoba ka SMS, mahala (mo dinageng dingwe), le fa ba se na app ya ayoba mo didirisiweng tsa bone. Ba ba sa diriseng MTN ba tlile go amogela melaetsa gi tswa go ayoba jaaka SMS, mme ba ka se kgone go araba. Re akantsha gore ba ba sa diriseng MTN ba itseele app ya ayoba mahala mo ayoba.me/download kgotsa mo Google Play Store

Go tlhokomela bagolagani ba gago

Ke tsenya jang mogolagani?

O dira seo ka go tsenya dinomoro tsa mogolagani mo mogaleng wa gago. Fa o fetsa go dira jalo bula app ya ayoba, tobetsa setshwantsho sa go tsenya molaetsa + mme o tlhophe mogolagani yo o batlang go bua le ene.

App ya ayoba e tla tlhagisa fa mogolagani yo o a tsentse app le fa a kwadisitse dinomoro tsa mogala wa gagwe mo ayoba. Fa a sa dira jalo, o tlile go tlhaga jaaka mogolagani yo o buisiwang ka SMS mo ayoba.

Ke phimola jang bagolagani?

O phimola bagolagani jaaka gale, ka go phimola mo teng ga mogala wa gago. Bula mo go nang le lenaane la bagolagani, tobetsa leina la mogolagani fa o fetsa tobetsa menu o o mo sekhutlong se se fa mojeng. Tobetsa phimola, mme o netefatse gore a ke seo o batlang go se dira.

Ke thiba jang mogolagani?

O kgona go thiba mogolagani mo ayoba ka puisano le go tobetsa setshwantsho sa menu se se mo sekhutlong mo mojeng. Tlhopha Thiba, mme o netefatse gore ke se o batlang go se dira. Fa o thibile mogolagani ga o kitla o amogela melaetsa kgotsa diteng tsa mogolagani yoo mme le ene ga a kitla a bona status sa gago. O tlile go kgona go mmona fela mo lenaaneng la bagolagani, mme o tla bo a kwadilwe “”Thibetswe””. Fa o eletsa go romela kana go amogela melaetsa go tswa go mogolagani yono o tlile go tshwanela ke gore o mo thibolole.

Re batla go netefatsa gore o sireletsegile ka dinako tsotlhe, ka jalo tsweetswee bega diteng tse di sa tshwanelang kana boitshwaro jo bo sa siamang mo ayoba.me/contact, kgotsa ya ko fano

Ke thibolola mogolagani jang?

O kgona go mo thibolola ka go dira puisano o dirisa setshwantsho sa +, o tlhophe mogolagani, o dirise menu o o mo mojeng kwa godimo mo sekhutlong o bo o tobetsa Thibolola, mme o netefatse se o batlang go se dira. Jaanong o tlile go kgona go buisana le mogolagani yono, mme mogolagani yono le ene o tlile go kgona go go romelela melaetsa e e mesha le go araba melaetsa ya gago mmogo le go bona status sa gago.

Ke founa jang ka ayoba?

O kgona go founela mongwe le mongwe yo o mo lenaaneng la gago la bagolagani ba ayoba o dirisa app ya ayoba. O tlile go duelela go founa fela jaaka o founa ka gale mme e tlile go dirisa airtime ya gago kgotsa metsotswana e e leng gone. Sa botlhokwa, go founa o dirisa app ya ayoba ga go tlhoke data e bile ga se mahala. Go founa o dirisa ayoba, tobetsa + (setshwantsho sa puisano e ntšha) mme o tobetse setshwantsho sa mogala go founa.